BOGODU JWA LERUO KE TLHOBA BOROKO KWA METSE MAGAENG

Bogodu jwa leruo bo tlhagelela e le tlhoba boroko bogolo segolo kwa metse magaeng ka na kwa merakeng go ralala Porofense.

Go latela seno, Lefapha la Tsamaiso ya Dipalangwa le Tshireletsego ya Baagi le bo ne go tshwanela go rulaganya metseletsele ya dipuisano le barui go ralala Porofense bogolo thata kwa metseng le metsana e kailweng dipalopalo di ile kwa godimo thata.

Mo mosong o no, lefapha ka tshwaraganelo le Seteishene sa Mapodisi sa Jericho mo Mmasepaleng wa Selegae wa Madibeng, ba rulagantse dipuisano le barui mo motseng wa Jonathan, mo karolong ya Jericho.

Ba tsaya karolo mo poisanong ya gompieno, e akareditse mafapha a a farologaneng a puso, a dikemedi tsa o ne di buisaneng le barui le go ba fatlhosa ka melao le melawana e farologaneng.

Mengwe ya melao le melangwana ke e barui ba tshwanelwang ke go e dirisa go ka leka go isa tlase bogodu jwa leruo.

Nngwe ya di ntlha kgolo e nnile go tshwaiwa ga leruo (Animal Identification Mark), go ya ka Animal Identification Act, 2002 (Act No 6 of 2002) le wa Meat Safety Act.

E ngwe ya dikgang kgolo e nnile bolwetse jo bo oleng jwa molomo le tlhakwana, jo bo kailweng bo tlisitse leroborobo mo di nageng tsa Kontinente ya Afrika. Barui ba fatlhositswe ka mokgwa o bolwetse bo bo anamang bonolo ka gone, le ditlhare ka na melemo e ba tshwanelwang ke go e dirisa go thibela bolwetse jo.

Barui ba ikuetse thata mo mafapheng a puso go bathusa go lwantsha bogodu jwa leruo ja ka fa bo ba utlwisa botlhoko e bile bo fetola seemo sa bo ne sa botshelo.

Mme Lesedi Mokoma go tswa mo Lefapheng la Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa o rotlweeditse barui le baagi ka kakaretso go bega dikgetsi tsa bogodu le go dirisana mmogo le ba sepodisigo akaretsa le Foramo ya Tshireletsego ya Baagi, (Community Safety Forum – CPF).

Kopano e, e ne e rulagantswe ka mokgwa wa District Development Model (DDM), e sa leng e tlhomiwa ke Moporesidente Cyril Ramaphosa, e le fa a ne a rotloetsa mafapha a farologaneng a puso go lomagana le go dirisana mmogo go isa ditirelo kwa baaging.

Mafapha a nnileng go ne le mekgatlho ya barui a akaretsa: North West Parks Board, South African Police Services, National Prosecuting Authority, Agriculture and Rural Development, Correctional Services, State Vet, Farmers Forum, Jericho SETS le Spiritual Crime Prevention.

Barui ba rotloeditswe go tlhatlhela kana tswalela leruo la bone ka nako tsotlhe.


—ENDS—